ไม่สามารถเล่นวิดีโอนี้
ขออภัยในความไม่สะดวก

Modimo wa boikanyô - MCSA YMG Connexional Inkanyamba/Setsokotsane 2023

แชร์
ฝัง
  • เผยแพร่เมื่อ 26 ก.ค. 2023
  • Modimo wa boikanyô,
    Re ikanya mo go Wêna;
    O gogile borraetšho
    Mo dinageng tsa lenyôra.
    Mme re lôpa ka tlhôafalô
    Matshegô a ba a bonyeng;
    O nnê Modimo wa rona,
    Mothusi mo tshikatshikeng.
    Mo ditseleng tsa botshelô
    Gôga dikgatô tsa rona;
    Re tle re fitlhê kwa O teng,
    Legaeng je re le batlang.
    Re femêlê mo diphatseng,
    Re se digelwe ke sepê,
    Re nêê se re se tlhôkang,
    Dijô le tse di aparwang.
    Thušô e re a e lôpa
    Mo botlalong jwa gago Rra;
    Mme re tla go itshenkêla,
    Re go dirêlê ka metlha.
    Amên.

ความคิดเห็น • 2