EDWIN WA MOZION, CHIKE WA BOLA LE THAPELO WA MOJUTA-SATANE GA A NA MAATLA (ZION GOSPEL)

แชร์
ฝัง
  • เผยแพร่เมื่อ 6 ต.ค. 2024
  • MODIMO A TLHOGONOLOFATSE
    SATANE O MAATLA
    5, 6. (a) Tlhalosa dikai tse di bontshang gore baengele ba “maatla” tota? (b) Ke ka tsela efe Satane a nang le “dithata tsa go baka loso”?
    5 Baengele ba “maatla” tota. (Pesalema 103:20) Ba botlhale thata e bile ba maatla go feta batho. Ke boammaaruri gore baengele ba ba siameng ba dirisa maatla a bone ka tsela e e molemo. Ka sekai, moengele a le mongwe wa ga Jehofa o ne a bolaya masole a a boikepo a Baasiria a le 185 000. Motho a le mongwe o ne a ka se kgone go dira jalo tota le e leng mophato wa masole. (2 Dikgosi 19:35) Nako nngwe moengele o ne a dirisa bokgoni le maatla a gagwe go golola baaposetoloi ba ga Jesu mo kgolegelong. Le fa batlhokomedi ba ne ba le gaufi, ga ba a ka ba lemoga fa moengele a bula dikgoro, a ntsha baaposetoloi go tswa foo a bo a tswala dikgoro gape.-Ditiro 5:18-23.
    6 Baengele ba ba ikanyegang ba dirisa maatla a bone ka tsela e e molemo mme Satane ene o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, ga go pelaelo gore Satane o na le maatla le tlhotlheletso e kgolo tota. Baebele ya re ke “mmusi wa lefatshe leno” le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (Johane 12:31; 2 Bakorintha 4:4) E bile o na le “dithata tsa go baka loso.” (Bahebera 2:14) Seno ga se reye gore o kgona go bolaya batho botlhe ka tlhamalalo. Goreng re rialo? Sa ntlha, batho ba lefatshe leno la ga Satane ba tletse letlhoo e bile ba rata thubakanyo. Sa bobedi, e re ka Efa a ile a dumela maaka a ga Satane mme Adame a se ka a ikobela Modimo, batho botlhe ba leofile e bile ba a swa. (Baroma 5:12) Fela jaaka Jesu a ile a bua, Satane ke “mmolai.” (Johane 8:44) Ruri ke mmaba yo o maatla!

ความคิดเห็น •